Acts 5

Ananiase le Safira

1Mme ga bo go le monna a bidiwa Ananiase (le mosadi wa gagwe Safira) ba ba neng ba a rekisa bontlha-bongwe jwa setsha, 2mme ba tlisa bontlhabongwe fela jwa madi, ba kaya fa e le tlhwatlhwa e e feletseng (mosadi wa gagwe o ne a dumalana tsietso e).

3Mme Petere a re, “Ananiase, Satane o tladitse pelo ya gago ka maaka fa o bolela gore tlhwatlhwa e ke yone yotlhe, o ne o aketsa Mowa O O Boitshepo. 4Setsha e ne e le sa gago go se rekisa kgotsa nnyaa, go ya fela ka fa o neng o rata ka teng. Mme morago ga o sena go se rekisa, e ne e le ga gago go bona gore o ntsha bokae. Ke eng fa o ne o dira jaana? Ga oa aketsa rona o akeditse Modimo.”

5Erile fela fa Ananiase a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe a swa! Mongwe le mongwe a tlewa ke poifo e kgolo, 6mme makau a mo phutha ka letsela a mo tsaya a ya go mo fitlha.

7Erile morago ga dioura di le tharo mosadi wa gagwe a tla, a sa itse se se diragetseng. 8Petere a mmotsa are, “A lo rekisitse setsha sa lona ka bokana?” A araba are “Ee, re se rekisitse ka bokalo.” 9Mme Petere a re, “Ke eng fa wena le monna wa gago lo ka akanya go dira selo se se ntseng jaana, lo leka maano a bosula go leka nonofo ya Mowa wa Modimo go itse se se diragalang? Ka kwa ntle ga kgoro ele go na le makawana a a tswang go boloka monna wa gago, mme le wena ba tlaa tla go go rwala ba ya go go boloka.”

10Erile gone fela foo a wela fa fatshe, a swa, mme makawana a tsena mo teng, ya re ba mmona gore o sule, ba mo tsaya ba ya go mmoloka go bapa le monna wa gagwe. 11Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le ba bangwe botlhe ba ba utlwileng se se diragetseng.

Baaposetoloi ba fodisa batho ba le bantsi

12Ka sebaka seo, Baaposetoloi ba ne ba kopane mo lefelong le le bidiwang mathudi a ga Solomone, mme ba dira ditshupo tse di bonalang le dikgakgamatso mo matlhong a batho. 13Badumedi ba bangwe ba seka ba kgatlhega go kopana le bone, le fa go ntse jalo, ba ne ba ba tlotla thata. 14Mme badumedi ba oketsega thata mo Moreneng, bontsi jwa banna le basadi. 15Balwetse ba ntshediwa kwa mebileng ba le mo malaong le mo diphateng gore bogolo moriti wa ga Petere o wele bangwe ba bone fa a feta! 16Mme bontsi jwa batho jwa tla bo tswa mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetse ba bone le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe; mme mongwe le mongwe wa bone a fola.

Baaposetoloi ba a sotlwa

17Mme Moperesiti yo mogolo le botlhe ba losika le ditsala tsa gagwe mo Basadukaing ba tlala lefufa, 18mme ba tshwara baaposetoloi, ba ba tsenya mo kgolegelong.

19Mme moengele wa Morena a tla bosigo, a bula dikgoro tsa kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle. Mme a ba raya a re, 20“Tsamayang lo ye mo Tempeleng lo rere kaga Botshelo jo!”

21Mme ba goroga mo Tempeleng e ka ne e le ka nako ya letsatsi le tlhaba mme ka bonako ba simolola go rera! Moragonyana mo mosong oo, Moperesiti yo Mogolo le botlhe ba lekgotla ba tsena mo Tempeleng, ba bitsa Lekgotla le legolo la bagolwane ba Puso, ba romela batho go ya go bitsa baaposetoloi go tla go sekisiwa. 22Mme erile fa mapodisi a tsena kwa kgolegelong, banna ba bo ba seyo, jalo ba boela kwa Lekgotleng ba bega gore 23“Dikgoro tsa kgolegelo di ne di tswetswe, mme batlhokomedi ba ne ba eme ka kwa ntle, mme erile fa re bula dikgoro, ga bo go sena ope!”

24Mme erile fa molaodi wa mapodisi le baperesiti ba bagolwane ba utlwa se, ba akabala, ba hakgametse thata gore go tlaa diragalang le gore mo gotlhe go tlaa felela kae! 25Mme mongwe a goroga ka mafoko a a reng banna ba ba neng ba le mo kgolegelong ba mo Tempeleng ba rerela batho!

26
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 5:27.
27
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 5:26-27.
Mme Mogolwane wa mapodisi a tsamaya le mapodisi ba ba tshwara kwa ntle ga mokubukubu, (gonne ba ne ba tshaba batho gore ba tlaa ba bolaya fa ba ka gakalela barutwa) mme ba ba lere fa pele ga Lekgotla.

28Moperesiti yo Mogolo a bua a re, “A ga re a lo bolelela gore lo seka lwa tlhola lo ruta kaga Jesu yo? Mme mo boemong jwa go khutlisa go rera kaga Jesu lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona mme lo ikaelela go re baya molato ka loso lwa monna yo!”

29Mme Petere le baaposetoloi ba araba ba re, “Re tshwanetse go obamela Modimo go na le batho. 30Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o tsositse Jesu go tla mo botshelong gape morago ga lo sena go mmolaya ka go mo pega mo mokgorong. 31Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe. 32Mme re basupi ba dilo tse, ga mmogo le Mowa O O Boitshepo, o o neetsweng botlhe ba ba obamelang Modimo.” 33“Ya re ka ntlha ya go bua jalo, Lekgotla la gakala la ikaelela go ba bolaya.”

34Mme mongwe wa bone, Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele, (moitseanape wa molao wa tumelo a bile a itsege thata mo bathong) a ema a kopa gore baaposetoloi ba ntshediwe kwa ntle fa a sa ntse a bua. 35Mme a raya banna ba Lekgotla a re, 36“Motlha mongwe go kile ga bo go le Theudase, yo o neng a ipaya jaaka e ka re ke mongwe yo o kwa godimo. Bangwe ba ka nna makgolo a mane ba ikopanya nae, mme a bolawa, mme botlhe ba ba ineetseng mo go ene ba phatlaladiwa kwa ntle ga kutlwelobotlhoko epe.

37“Morago ga gagwe, ka nako ya fa go kgethisiwa, ga bo go le Judase wa Galalea. A itatedisa batho bangwe go nna barutwa, mme le ene a swa, mme balatedi ba gagwe ba phatlalala.

38“Mme jaanong kgakololo ya me ke e, tlogelang banna ba, mme fa se ba se rutang le se ba se dirang e le ga bone fela, ka bofefo se tlaa fedisiwa. 39Mme fa e le ga Modimo lo tlaa retelelwa ke go ba emisa, e sere kgotsa lona ka bo lona lwa iphitlhela lo tlhabantsha Modimo.”

40Lekgotla la dumalana le kgakololo ya gagwe, ba bitsa baaposetoloi, ba ba itaya, ba ba bolelela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina la ga Jesu, mme morago ba ba lesa ba tsamaya. 41Ba tloga fa lekgotleng ba itumeletse gore Modimo o ba supile ba nonofile go tlontlologela leina la one. 42Mme ka malatsi otlhe mo Tempeleng le mo motsing, ba tswelela go ruta le go rera gore Jesu ke Mesia.
Copyright information for TsnLEF